Luke 4:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha5 Mme Satane a mo tseela kwa godimo mme a mmontsha magosi a lefatshe otlhe ka nako e khutshwane; Faic an caibideilSetswana 19705 Foo Diabolo a mo tlhatlosetsa kwa thabeng e e godimo, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)5 Mi ka diabolo a mo gogela kua thabeñ e e gorileñ, a mo shupetsa magosi aotle a lehatse ka momenta o moñue hela. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo5 Diabolo a mo tlhatlosa, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka ponyo ya leitlho. Faic an caibideil |
Go tlaa diragala gotlhe ka nakonyana ka ponyo ya leitlho, fa torompeta ya bofelo e lela. Gonne go tlaa nna le go galaotega ga torompeta mo loaping mme Bakeresete botlhe ba ba suleng ba tlaa rula, ka mebele e mesha e e se kitlang e tlhola ee swa; mme rona ba re sa ntseng re tshela re tlaa akofa re nna le mebele e mesha.
Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng.