Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:43 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

43 Mme a ba fetola a re, “Ke tshwanetse go rera Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo le mo metseng e mengwe, gonne ke sone se ke se tletseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

43 A ba raya a re: “Le metse e mengwe ke tshwanetse go e rerela Efangele ya puso ya Modimo; gonne ke se ke se rometsweng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

43 Mi a bo raea, Ki cuanetse go rerela le metse e meñue evañgelio ea pusho ea Morimo; gone ki romiloe go riha yalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

43 A ba raya a re: “Ke na le go rerela le metse e mengwe Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo, gonne ke romilwe go dira jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:43
12 Iomraidhean Croise  

Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng.


A bua le bone gape a re, “Fela jaaka Rara a nthomile, le nna fela jalo ke a lo roma.”


Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla.


Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.


go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan