Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Medemone le yona ya tswa mo go ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e lesa go bua; gonne e ne e itse gore ke ene Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi bademona le bona, ba coa mo bontsiñ ba bitsa ba re, U Keresete, Moroa Morimo. Mi a ba buela, a si ka a ba leseletsa go bua, gone ba mo itse ha e le ena Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Le mewa e e maswe le yone ya tswa mo bathong ba le bantsi, ya goa ya re: “O Morwa Modimo.” Mme a e kgalemela, a se ka a e leseletsa go bua; ka e mo itse fa e le ene Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:41
14 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a didimala fela. Jalo Moperesiti yo Mogolo a mo raya a re, “Ke go ikanisa mo leineng la Modimo o o tshedileng gore o re bolelele gore a o ipitsa Mesia Morwa Modimo.”


Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.


Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola.


Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.”


Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”


Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene.


Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela.


Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang).


E ne e tle e re ka dinako tsotlhe fa ba ba tsenweng ke mewa e e maswe ba mmona ba wele fa fatshe fa pele ga gagwe ba goele kwa godimo ba re, “O Morwa Modimo!”


Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo!


A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan