Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:40 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

40 Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

40 Ya re letsatsi le phirima, botlhe ba ba nang le ba ba lwalang malwetse a mefutafuta ba ba tsisa kwa go ene; a baya mongwe le mongwe wa bone diatla, a ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

40 ¶ Mi ka letsatsi le phirima, botle ba ba nañ le ba ba bobolañ ka maloetse a sele, ba ba lere go ena; mi a baea liatla mo go moñue le moñue oa bona, mi a ba horisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

40 Jaana e rile letsatsi le kotlomela, botlhe ba ba nang le ba ba bobolang malwetse mangwe le mangwe, ba ba isa kwa go ene; mme a baya diatla mo go mongwe le mongwe wa bone, a ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:40
12 Iomraidhean Croise  

difofu tse ke di foufolotseng, le digole tse jaanong di tsamayang kwa ntle ga thuso le balepero ba ba fodisitsweng, le bosusu ba ba utlwang, le baswi ba ba rudisitsweng; lo bo lo mmolelele gore ke rerela bahumanegi mafoko a a molemo.


Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi.


Gonne go ne ga diragala diphodiso di le dintsi ka letsatsi leo, mme ya re ka ntlha ya moo balwetse ba le bantsi ba mo dikaganyetsa, ba leka go mo ama.


a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”


Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa.


mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe.


Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan