Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:4 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a nke a phela ka senkgwe fela, mme o phela ka Lefoko lengwe le lengwe la Modimo.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Yesu a mo araba, a re, Go kuariloe, Bathu ba si kitla ba tsela ki señkhue shosi, mi ba tla tsela ka lehuku leñue le leñue ya Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a ketla a tshela ka senkgwe se le sosi.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:4
13 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.”


“Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka.


Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.”


Satane a mo raela a mo raya a re, “Fa o le Morwa Modimo, raya leje le o re le fetoge senkgwe.”


Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’ ”


Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan