Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:34 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 “Tsamaya! Ga re na sepe le wena, Jesu wa Nasaretha. O tsile go re senya, ke a itse gore o mangMorwa Modimo yo o boitshepo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

34 a re: “Ao! Re na le eng le wena, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke go itse gore o mang, o Moitshepi wa Modimo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 A re, Re lese; re gu rihañ, Uena Yesu oa Monasarini? A u tletse go re senya? Kia gu itse eo u leñ ena, u Moitsephi oa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 A re: “Hee! Re go dirang wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene; o Moitshepi wa Modimo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:34
22 Iomraidhean Croise  

Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.”


“Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.”


Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang).


Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”


Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo.


Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re,


Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa.


Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!”


Mme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.


Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng.


“Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola.


Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai.


“Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo.


Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso.


A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo!


Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo.


Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete.


“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Filadelefia lokwalo lo o re: molaetsa o lo o romeletswe ke yo o boitshepo le boammaaruri, ebile a na le dilotlole tsa ga Dafide tsa go bula se ope a se ka keng a se tswala le go tswala se ope a se ka keng a se bula.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan