Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:32 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

32 Teng koo le gone batho ba gakgamadiwa ke dilo tse o neng a di bua. Gonne o ne a bua jaaka mongwe yo o itseng boammaaruri mo boemong jwa go nankola megopolo ya ba bangwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

32 mme ba gamaregela thuto ya gagwe, ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

32 Mi ba gakhamarioa ki thuto ea gague; gone huku ya gague le le na le thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

32 Mme ba gakgamalela thuto ya gagwe; ka gonne lefoko la gagwe le ne le na le thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:32
15 Iomraidhean Croise  

Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng.


Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re,


Hong batho ba botsa ka kgakgamalo ba re, “Ke eng se se mo mafokung a monna yo fa le mewa e e maswe e mo utlwa?”


Mowa O O Boitshepo ke one fela o o nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ba ba tsetsweng gangwe fela ka tsalo ya senama, ga ba kitla ba amogela mpho e. Mme jaanong ke lo boleletse ka fa lo ka nnang le botshelo jo jwa semowa ka teng.


Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.”


Ga re leke go gogela batho ka boferefere mo go dumeleng, ga re na kgatlhego mo go tsietseng ope. Ga re ke re leka go gapa ope go dumela gore Baebele e ruta se e sa se ruteng. Ditsela tsotlhe tseo tsa matlhabisa ditlhong re di baketse. Re ema fa pele ga Modimo jaaka re bua mme jalo re bolele boammaaruri, jaaka botlhe ba re itseng ba tlaa dumela.


Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng.


O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan