Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:25 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25-26 Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

25 “Mme ka boammaaruri ke lo raya ke re: Go ne go le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo malatsing a ga Elia, fa legodimo le tswetswe dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, go le tlala e kgolo mo lefatsheng lotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Mi kia lo raea ka amarure, gabo gole batlolagari bantsi mo Yesereleñ mo motleñ oa ga Eliyahue, ka legorimo le kopecoe ka linyaga li teri, le likhueri li sekes, ga tsamaea ga na tlala e kholu mo hatsiñ yeotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 “Ke lo bolelela boammaruri ka re, go ne go le basadi ba batlholagadi ba le bantsi mo go Iseraele, mo metlheng ya ga Elija, jale, ka legodimo le tswadilwe ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, mme ga nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:25
12 Iomraidhean Croise  

a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’


Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.


Gonne Modimo o ne o reile Moshe wa re, “Fa ke batla go nna pelonomi mo go mongwe, ke tlaa dira jalo. Gape ke tlaa utlwela botlhoko le fa e le mang yo ke batlang go mo utlwela botlhoko.”


Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?”


Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo.


Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya;


Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang!


Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan