Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:23 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

23 Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

23 A ba raya a re: “Kana lo tla nthaya ka seane lo re: ‘Ngaka, iphodise! Tsotlhe tse re di utlwetseng di dirafetse kwa Kaperenaume, di dire le mono motseng wa ga eno.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Mi a ba raea, Amarure lo tla ’mpulelela secuanco se, Ñaka, u iphorise; cotle tse re li utluileñ, tse ri rihetseñ mo Kaperenama, u rihe yalo monu mo hatsiñ ya gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 A ba raya a re: “Ruri, lo a bo lo tlaa mpolelela setshwantsho se, lo re: ‘Ngaka, iphodise; tsotlhe tse re di utwileng di dirilwe kwa Kaperenaume, o di dire le mono lefatsheng la gaeno.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:23
20 Iomraidhean Croise  

Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo.


Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea.


Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe.


E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.


Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.


Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope.


O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi:


Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana, “Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?”


Jalo lesang go sekaseka Bakeresete ka se lefatshe le se akanyang kaga bone kgotsa ka fa ba bonalang ba ntse ka teng ka fa ntle. Ke kile ka fosa ka go akanyetsa Keresete ka mokgwa oo, e le motho fela jaaka nna. Ke ikutlwa ke fetogile jang jaanong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan