Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:15 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Gonne o ne a galalediwa ke mongwe le mongwe mo disenagogeng ka ntlha ya dithero tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 A ruta mo disenagogeng tsa bone, a tlotlomadiwa ke botlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi a ruta mo masenagogeñ a bona, mi a galalerioa ki bona botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 A ruta mo matlong a bone a thuto, a galalediwa ke botlhe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:15
10 Iomraidhean Croise  

Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.


Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.


Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!”


Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe.


Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.


Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng,


E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan