Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ka moo, ntshang maungo a a tshwanetseng tlhabologo. Lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re bana ba ga Aborahame’; gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Lereñ mauñuo pele a a cuanetseñ tlabologo; mi lo si simolole go ithaea, Re na le Aberahame rra ecu; gone kia lo raea, Morimo o nonohile go cosetsa Aberahame bana ka maye a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ke gone ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao; mme lo se ka lwa simolola go ithaya lo re: ‘Re na le Aberahame rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:8
29 Iomraidhean Croise  

“Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo.


Pele ga lo kolobediwa supang gore lo sokologile mo dibeng ka go dira ditiro tse di tshwanetseng.


Lo seka lwa ikaketsa lwa re, ‘Re falotse ka re le Bajuda, losika lwa ga Aberahame.’ Moo ga go reye sepe. Modimo o ka fetola maje a a fano a, go nna Bajuda!


“Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.”


ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo!


Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!”


Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”


Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe.


Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?”


Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae.


Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng.


Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo.


Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape!


Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan