Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Jaanong a fitlha mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya tlhabologo e e isang boitshwarelong jwa dibe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi a hitla mo hatsiñ yeotle mo ntleñ cotle tsa Yoridane, a rera papetisho ea tlabologo ea go icuarela libe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mme a tla mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong ya Joretane, a rera kolobetso ya boikwatlhao jo bo bonang boitshwarelo jwa dibe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:3
12 Iomraidhean Croise  

“Nna ke kolobetsa mo metsing ba ba sokologileng mo dibeng tsa bone; mme mongwe o e tla; yo mogolo go mpheta thata, o bogolo jo e leng gore ga ke a lekana go tshola ditlhako tsa gagwe. Ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo.


Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe.


O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe.


Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.


Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng.


Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”


Mme pele ga a goroga, Johane wa Mokolobetsi o ne a rera botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo Iseraele a sokologe mo dibeng le go boela mo Modimong.


Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla.


Mme jaanong o diegelang? Tsamaya o ye go kolobediwa, o bo o tlhatswiwe mo dibeng tsa gago, o bitse leina la Morena.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan