Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:22 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene ka popego ya lephoi, mme ga utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang, yo ke go itumelelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi Moea oa Boitsepho oa hologela go ena, o cuana yaka mele oa lephui, mi ga rihala koru e e coañ kua legorimoñ, ea re, U Moroake, eo o rategañ; kia itumela mo go uena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o na le popego e kete ya lephoi, mme ga tswa lentswe mo legodimong, le le reng: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:22
21 Iomraidhean Croise  

“Bonang motlhanka wa me. Bonang yo ke mo itshenketseng. Ke moratwi wa me, yo mowa wa me o itumelang mo go ene, ke tlaa tsenya mowa wa me mo go ene o tlaa atlhola dichaba.


Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”


Mme a tswa mo ga gabo mo Galalea a ya kwa nokeng ya Jorodane go kolobediwa teng ke Johane.


Morago ga kolobetso, fela fa Jesu a tswa mo metsing, magodimo a mmulegela mme a bona Mowa wa Modimo o fologa o le mo setshwanong sa lephoi.


Mme lentswe la tswa kwa legodimong le re, “Yo ke morwaake yo o rategang, ke itumela thata ka ene”.


Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.”


Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane.


Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.”


“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”


Hong a oketsa a re, “Dikwalo tse di diragetse gompieno!”


Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong.


Rara, galaletsa leina la gago o bo o le tlotle.” Mme ga bua lentswe le tswa kwa legodimong le re, “Ke setse ke dirile jalo, mme ke tlaa dira jalo gape.”


Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong.


Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.


Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang,


Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan