Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 A nna a rerela batho Efangele, a ba laya le ka mafoko a mantsi a mangwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi le gona a bulelela bathu mahuku a boitumelo, ka likaelo rintsi li sele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 A nna a rerela batho mafoko a a molemo ka dikgakololo di le dintsi di sele;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:18
9 Iomraidhean Croise  

O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.”


(Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe).


Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’ ”


Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!


Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”


Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone.


a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone.


Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan