Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

14 Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi batlabani le bona ba motsa, ba re, Mi rona, re tla rihañ? Mi a ba raea, Lo si bogise ope, le go mo tseela tsa gague ka tsieco; mi itumeleleñ tuelo tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Le batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme rona re tlaa dirang?” A ba raya a re: “Se bogiseng ope, le gone se tseeleng ope sepe ka patiko, mme lo itumelele tuelo ya lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:14
15 Iomraidhean Croise  

Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.


Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”


Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re,


Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.”


Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang,


gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,


E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye.


Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo.


Mme ka utlwa lentswe le goela kwa godimo le kgabaganya magodimo le re, “Go diragetse kwa bofelong! Poloko ya Modimo le nonofo le puso, le taolo ya ga Keresete Morwa one gompieno di tsile; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa lefatsheng a tswa mo legodimong, yo o ntseng a ba pateletsa bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan