Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 3:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 “Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 A ba araba re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang epe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi a araba, a bo raea, Eo o nañ le kobo li tu, a a abele eo o sinañ epe; mi eo o nañ le liyo, a a rihe yalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 A ba fetola a re: “Yo o nang le dikobo di le pedi, a a abele yo o se nang sepe; le yo o nang le dijo, a a dire jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 3:11
22 Iomraidhean Croise  

“Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!


Bophepa bo supa bopelontle.


Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”


Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”


Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe.


E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo.


Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo!


Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye.


Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang.


Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela.


Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.


Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one?


Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.


Bakaulengwe ba ba rategang, go thusang gore lo re lo na le tumelo ebile lo Bakeresete fa lo sa go supe ka go thusa ba bangwe? A tumelo e e ntseng jalo e ka boloka mongwe?


Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene.


Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan