Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 24:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Ga a yo fa, mme o tsositswe. Gakologelwang ka fa a buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galelea

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ga a eo ha; o cogile; gakologeloañ kaha o la a bua le lona ka gona, ka a sale mo Galilea,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ga a yo fa; o tsogile; gakologelwang ka fa o buileng le lona ka teng, a sa ntse a le kwa Galilea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 24:6
19 Iomraidhean Croise  

Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape.


mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’.


mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone.


Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng.


A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape.


Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung?


A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”


“Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”


Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone.


A ga lo gakologelwe gore ke lo boleletse se mo nakong e ke neng ke na le lona ka yone?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan