Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 24:51 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

51 Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

51 Ya re a ntse a ba tshegofatsa, a kgaogana nabo, a tlhatlosediwa kwa legodimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

51 Mi ga rihala ka a sa ba tsegohatsa, a ikhaoganya nabo, a culeloa mo legorimoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

51 Ga dirala, ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, a isiwa kwa legodimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 24:51
9 Iomraidhean Croise  

Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo.


Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa.


Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo,


A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.”


Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo.


Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.


Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan