Luke 24:4 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha4 Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga. Faic an caibideilSetswana 19704 Ya re ba sa ntse ba akabetse ka ntlha ya moo, ba bona banna ba le babedi ba eme fa go bone, ba apere diaparo tse di phatsimang. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)4 Mi ga rihala, ka ba sa belaela segolu ka mouo, bonañ, banona ba tu ba ema nabo mo liaparoñ tse ri phatsimañ. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo4 Ga dirala, ya re ba sa ntse ba akabetse thata ka ga gone, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse di tsabakelang; Faic an caibideil |
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.