Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Mme bone ba tatalala ba re: “O hudua batho ka go rutaruta mo Jutea yotlhe; o simolotse kwa Galelea go fitlha fano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ba gakala bogolu, ba re, Oa hurua bathu, o simolotse ka Galilea, a ruta mo Yudeñ yeotle go tla kuanu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Mme bone ba gakala bogolo ba re: “O fudua setšhaba, o simolotse kwa Galilea, a ruta mo Jutea yotlhe go tla go fitlha fano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:5
24 Iomraidhean Croise  

Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone.


Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode. E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re,


E rile fa Pilatwe a bona gore ga a kgone, le gore pheretlhego e a tsoga, a kopa mogopo wa metsi a tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga bontsi jwa batho a re, “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo.”


Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.


Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.


Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya.


Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?”


Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.”


Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.”


Kgakgamatso e e ne ya dirwa mo Kana wa Galalea e le sesupo sa ntlha sa ga Jesu mo pontsheng sa nonofo ya legodimo e a romilweng go tla go e supa. Mme barutwa ba gagwe ba dumela tota gore ke Mesia.


Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.”


Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!”


Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka.


“Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.”


Mme baeteledipele ba Sejuta ba tenwa thata ke go omanngwa ke Setefane ba bo ba mo shenela meno ka kgakalo.


Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan