Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 23:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi yoa simolola go mo pateletsa, yoa re, Re bonye eo, a shokamisa morahe, o itsa gore Kaisare a si neoe lekhetho; a re, le ena ki Keresete khosi ka esi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ba simolola go mmaya molato ba re: “Re fitlhetse monna yo, a sokamisa morafe, a itsa gore Kaesare a se ka a newa lekgetho, a re le ene ka esi ke Keresete, Kgosi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 23:2
33 Iomraidhean Croise  

Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”


Mme ya re Jesu a eme fa pele ga ga Pilatwe, molaodi wa Roma, a mmotsa a re, “A o Mesia wa Bajuda”? Jesu a mo araba a re, “Ee go ntse jalo.”


Mme Jesu a ba raya a re, “Go siame, fa e le gore ke tsa gagwe, mo neyeng ditsa gagwe. Mme tse eleng tsa Modimo di tshwanetse go newa Modimo!” Mme ba simolola go ingwaya ditlhogo ka ntlha ya go palelwa ke karabo ya gagwe.


Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.”


a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope.


Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”


Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.”


Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!”


Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.”


mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso.


Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha.


Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan