Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:51 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

51 Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

51 Mme Jesu a araba a re: “Lesang, go lekanye.” A ba a ama tsebe ya gagwe, a mo fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

51 Mi Yesu a araba, a re, Lesañ yalo. Mi a ama tsebe ea gague, a mo horisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

51 Jesu a bua a re: “Iketleng! Go ntse!” Mme a ama tsebe ya gagwe, a e fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:51
8 Iomraidhean Croise  

Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola.


Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?”


Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.


Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!”


Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo.


Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan