Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 22:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba ne ba boifa morafe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi baperiseti ba bagolu le bakuari ba batla kaha ba ka molaeañ ka gona; gone ba boiha bathu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba senka ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba boifa batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 22:2
12 Iomraidhean Croise  

Mme, Bafarasai ba bitsa phuthego go loga maano a ka fa ba ka tshwarang le go bolaya Jesu ka teng.


“Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’


“Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.”


Mme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya.


E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang.


Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.


“Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan