Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 21:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 Mme le gona lo tla tshwarisiwa ke bagolo ba lona le bomorwa-rraalona le ba ga lona le ditsala; ba bile ba tla bolaya bangwe ba lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi lo tla okoa ki bagolu le bakauleñue, le ba losika loa lona, le litsala; mi ba tla bolaea bañue ba lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Lo tlaa okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borraalona, le ba losika lwa lona, le ditsala, mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa ka bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 21:16
14 Iomraidhean Croise  

“Motho o tlaa okela morwa rraagwe losung, mme borabana ba tlaa oka bana ba bone. Mme bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone ba ba neela losung.


Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe.


“Rrabana o tlaa ntsha maikutlo a sele ka ga me; morwawe le ene a ntshe a sele; mmangwana le morwadie ba tlaa tlhoka kutlwisisanyo, mogopolo wa matsalaa motho yo o tlotlegang o tlaa nyadiwa ke ngwetsi ya gagwe.”


gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola!


“Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me.


mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane).


Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.”


Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe.


Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane.


Mme ya re a kanolola sekano sa botlhano, ka bona aletara, mme ka fa tlase ga yone ga bo go le mewa yotlhe ya ba ba bolaetsweng go rera Lefoko la Modimo le go ikanyega mo bosuping jwa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan