Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 21:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 “Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Fela, pele ga dilo tsotlhe tseo ba tla lo tshwara, ba lo bogisa, ba lo neela mo disenagogeng le mo matlong a kgolegelo, ba lo gogela fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi pele ga lilo tse li e si li ne, ba tla lo bela liatla tsa bona, mi ba tla lo bogisa, ba lo nela mo masenagogeñ, le mo matluñ a kholegelo; mi lo tla gogeloa ha pele ga likhosi le balaori ka ntla ea leina ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 21:12
31 Iomraidhean Croise  

ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone.


Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.”


mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong.


A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa.


Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng.


Mme erile letsatsi le le latelang molaodi a golola Paulo mo dikeetaneng mme a laela baperesiti ba bagolo gore ba kopane le lekgotla la Sejuta. O ne a laola gore Paulo a tlisiwe fa pele ga bone go leka go bona gore molato ke eng.


Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya.


Mme Saulo o ne a nna jaaka setsenwa, a tsamaya gongwe le gongwe a nyeletsa badumedi, a tsena mo matlung a swatola banna le basadi a ba tsenya mo kgolegelong.


O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?”


Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe,


Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan