Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Ba ikakanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ba gakololana mo go bona, ba re, Etlare ha re re, E coa kua legorimoñ, o tla re, Ana lo lo sa mo rumeleleñ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Mme ba gakololana ba re: “E tlaa re fa re re: ‘E ne e tswa kwa legodimong,’ ene o tlaa re: ‘Lo ne lo sa mo dumeleleng?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:5
11 Iomraidhean Croise  

Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe.


A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua.


A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?”


Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.”


Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’


Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”


Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”


Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.”


Mme erile fa Johane a fetsa tiro ya gagwe a botsa a re, ‘A lo akanya gore ke Mesia? Nnyaa! Ene o e tla ka bonako, mme mo go ene ga ke sepe!’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan