Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 20:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 O tla tla, a bolaya balemi bao; mme tshimo ya moweine o tla e neela ba sele.” Ya re ba utlwa, ba re: “A go se nne jalo!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 O tla tla, mi a senya barihi‐tsimo ba, mi o tla nela tsimo ea movine ba sele. Mi ka ba utlua yalo, ba re, A go si ne yalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 O tlaa tla a senya badiri bao ba tshimo; mme tshimo ya mafine o tlaa e neela ba sele.” Ba re ba utlwa jalo ba re: “A go se nne jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 20:16
24 Iomraidhean Croise  

“E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe.


Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”


Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone.


“O akanya gore mong wa tshimo o tlaa dirang fa a utlwa ka se se diragetseng? O tlaa tla a ba bolaya botlhe, mme a neela ba bangwe tshimo eo.


Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’ ”


Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng?


Mme Paulo le Barenabase ba ne ba bua ka bopelokgale ba re, “Go ne go tlhokega gore Mafoko a a Molemo a a tswang kwa Modimong a tshwanetse go neelwa lona Bajuta pele. Mme ka gobo lo a ganne, lwa ba lwa itshupa fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, go siame re tlaa bo neela Badichaba.


Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine.


A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone.


Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri.


Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.


Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang?


A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo!


Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe.


Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso.


Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.”


A Modimo o ne o sa kgetholole? Nnyaa ga go a nna jalo.


A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka!


Mme re tlaa reng fa re ikanya Keresete go re boloka mme re bo re iphitlhela re le molato, le gore ga re kake ra bolokwa kwa ntle ga go rupisiwa le go obamela melao e mengwe yotlhe ya Sejuta? A ga re na go tlhoka gore re re tumelo mo go Keresete e re ntshitse mo boammaruring e re koafaditse? Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Modimo ga o letlelele ope go nna pelokgale ka go akanya megopolo e e ntseng jalo kaga Morena wa rona.


Jalo he, a melao ya Modimo le ditsholofetso tsa one di a ganetsanya? Ga go a nna jalo! Fa re ne re ka bolokwa ka melao ya one, jalo Modimo o ka bo o sa re naya tsela e sele go tswa mo botshwarong jwa sebe, gonne Dikwalo di gatelela gore re magolegwa a sebe. Tsela fela e re ka falolang ka yone ke ka tumelo mo go Jesu Keresete; tsela ya go falola e bulegetse botlhe ba ba dumelang mo go ene.


Mme fa e le ka ga me, Modimo ga o ntetlelele gore ke ipelafatse ka sepe fa e se mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ntlha ya mokgoro oo, kgatlhego ya me mo dilong tsotlhe tse di gapang maikutlo tsa lefatshe ga e bolo go bolawa, le kgatlhego ya lefatshe mo go nna ga e bolo go swa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan