Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 a ba a belega morwawe wa ntlha, a mo phutha ka masela, a mo latsa mo segopong sa dipitse; ka gonne ba ne ba se na bonno mo ntlong ya baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi a belega moroaue oa ntla, mi a mohelela ka matsela, mi a mo latsa mo boyeloñ yoa lipitse; gone gole go sina bonno go bona mo tluñ ea baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Mme a bona ngwana wa mosimane wa ntlha wa gagwe, mme a mo phuthela ka matsela, a mmaya mo bojelong jwa dipitse; gonne go ne go se na bonno mo ntlong ya baeti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:7
16 Iomraidhean Croise  

Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re “Jesu.”


Batho ba ne ba ipotsa ba re, “A ke gone? Ke ngwana fela wa mmetli, le Marea mmaagwe re a mo itse le bomorwarraagwe bo Jakoba, Josefa, Simone le Jutase.


Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”


A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng.


Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe;


Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.


Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!


Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.


Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan