Luke 2:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha41-42 Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga. Faic an caibideilSetswana 197041 Jaanong bagolo ba gagwe ba ne ba tle ba ye kwa Jerusalema ka dinyaga tsotlhe kwa moletlong wa Tlolaganyo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)41 Mi bagolu ba gague ba ea Yerusalema go morihoñ oa Tlolaganyo ka ñuaga ñuaga. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo41 Jaana, batsadi ba gagwe ba ne ba tle ba ya Jerusalema ka dinyaga tsotlhe, ba ya modirong wa Tlolaganyo. Faic an caibideil |
Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!