Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:34 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34-35 Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

34 Jaanong Simeone a ba tshegofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga ga ba bantsi mo go Iseraele, le go nna sesupo se se ganediwang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Mi Simeone a ba tsegohatsa, mi a bua le Marie mague, Bona, ñuana eo, o beecoe koo le cogo ea bontsi mo Yesereleñ; sebeo se se tla ganerioañ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 mme Simeone a ba segofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga gape ga batho ba le bantsi mo go Iseraele; le gore a nne sesupo se se tlaa ganediwang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:34
38 Iomraidhean Croise  

Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”


Ka Jesu a na a bua mo ntlung e e tletseng batho, mmaagwe le bomonnawe ba ne, ba le kwa ntle kwa, ba batla go bua nae. Mme erile mongwe a mmolelela gore ba foo,


Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”


mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’.


Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe.


Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo.


Mme erile fa Bajuta ba baeteledipele ba bona bontsintsi jwa batho ba tlala lefufa, mme ba hutsa ba bo ba ganetsa se Paulo o neng a se bua.


Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona,


Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha.


Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!”


Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa.


Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba leka go bolokwa ka go tshegetsa molao le go itshiamisa ka bo bone mo boemong jwa go ikaega mo tumelong. Ba kgopilwe ke lentswe le legolo le le kgopang.


Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela.


Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa;


mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang.


Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan