Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 E rile malatsi a a robedi a sena go feta a gore ngwana a rupisiwe, leina la gagwe la bidiwa Jesu, le a le teilweng ke moengele, a ise a ithwalwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi malatsi a eit a sina heta, a ba isañ ñuana boguera ka aona, eabo leina ya gague le birioa YESU, ye le biricoeñ ki moengele a e si a ithualoe mo sebopeloñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 E rile malatsi a a 8 a go rupisa ngwanyana a sena go feta, ya bo leina la gagwe le bidiwa JESU, le o le reilweng ke moengele gale a ise a ingwe mo sebopelong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:21
9 Iomraidhean Croise  

Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore “Mmoloki”). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.


Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re “Jesu.”


Mme Jesu a fetola a re, “Tswee-tswee dira jalo ka gore ke tshwanetse go dira tshiamo yotlhe.” Jalo he, Johane a mo kolobetsa.


Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’


E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe.


Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan