Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

14 “Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Khalalelo a e ne Morimoñ mo magorimoñ a bogorimo bogolu, le kagisho e ne mo hatsiñ, le nateho e ne mo bathuñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:14
36 Iomraidhean Croise  

Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”


Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”


Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!”


Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:


Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”


mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”


“Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa.


Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire.


Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.


Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.


Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng.


Jaanong a pako yotlhe e nne go Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bo hakgamatsang mo go rona, le botsalano jo o re bo neileng ka ntlha ya go bo re le ba Morwaa One yo o rategang thata.


Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya;


Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata,


Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete.


diteme tsotlhe di tlaa bolela fa Jesu Keresete e le Morena, go ya kgalalelong ya Modimo Rara.


Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.


E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe.


A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang,


Mme foo ka utlwa mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatshing, le mo baswing ka fa tlase ga lefatshe mo teng ga lewatle, ba goa ba re, “Tshegofatso le tlotlo le kgalalelo le nonofo ke tsa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le kwa go Kwana ka metlha le metlha.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan