Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 2:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Gone lo tsalecoe Moluki mo motseñ oa ga Davide gompienu, eo o leñ Keresete, Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Gonne gompieno mo motseng wa ga Dafite lo tsaletswe Mmoloki, yo e leng Keresete Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 2:11
38 Iomraidhean Croise  

Jakobe e ne e le rraagwe Josefa yo e neng e le monna wa ga Marea Mma-Jesu Keresete Mesia.


Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore “Mmoloki”). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.


Simone Petere a fetola a re, “Keresete Mesia Morwa Modimo o o tshedileng”.


Hong a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia.


Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone!


O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide,


Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.


Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide.


Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.”


Nathaniele a hakgamala a re.


Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.”


Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.”


Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.”


jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.”


Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.”


Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.


Go tswa mo losikeng lwa monna yo, Modimo o ne wa tlisetsa Iseraele Mmoloki, ebong Jesu, fela jaaka o solofeditse.


a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia.


Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.”


Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe.


Adamo o ne a dirilwe ka lorole lwa lefatshe, mme Keresete o dule kwa legodimong.


diteme tsotlhe di tlaa bolela fa Jesu Keresete e le Morena, go ya kgalalelong ya Modimo Rara.


Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete,


Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae.


Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone.


Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan