Luke 2:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha10 Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe! Faic an caibideilSetswana 197010 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe; Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)10 Mi moengele a ba raea, Si boiheñ; gone, bonañ, kia lo leretsa mahuku a molemo, a a tla nañ boitumelo yo bogolu, le mo bathuñ botle. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo10 Moengele a ba raya a re: “Se boifeng, gonne bonang, ke lo lereditse mafoko a a molemo, a boitumelo jo bogolo, jo bo tlaa dirafalelang batho botlhe. Faic an caibideil |
“Mme jaanong Barenabase le nna re fano go lo tlisetsa Mafoko a a Molemo a, gore tsholofetso ya Modimo mo go borraetsho-mogolo e diragaditswe mo dinakong tsa rona, ka go tsosa Jesu mo losong gape. Se ke sone se Pesalema ya bobedi e buang kaga sone fa e bua kaga Jesu e re, ‘Gompieno ke go tlotlile jaaka Morwaake.’
Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!
A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete;
se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe.