Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9-10 Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Mme Jesu a mo raya a re: “Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo e, ka le ene e le morwa Aborahame:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi Yesu a mo raea, Puluko e rihecoe ntlu e gompienu, ka le mororo le eo e le moroa Aberahame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Jesu a mo raya a re: “Gompieno poloko e tsile mo ntlong e, gonne le ene ke morwa Aberahame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:9
15 Iomraidhean Croise  

Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?”


Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.”


“Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse.


“Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’


Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!


Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo.


Jaanong Modimo o ka segofatsa Badichaba le bone, ka lone lesego le o le solofeditseng Aberahame; mme rotlhe re le Bakeresete re ka nna le Mowa O O Boitshepo o re o solofeditsweng ka yone tumelo e.


Mme jaanong ka gore re ba ga Keresete, re losika lwa ga Aberahame tota, mme ditsholofetso tsotlhe tse Modimo o di mo solofeditseng ke tsa rona.


Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri.


Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan