Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi Sakaio a ema, a raea Morena, Bona, Morena, ntla eñue ea lilo tsa me, kia e naea bahumanegi; mi ekare ha ki tseetse moñue seo señue ka tsieco, ki tla ba ki mo naea li for.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Sakaio a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena bontlhanngwe jwa dilo tsa me ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe selo sengwe ka patiko, ke mo rebolela di le nne.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:8
22 Iomraidhean Croise  

Bophepa bo supa bopelontle.


Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.


Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?


Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.


E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”


a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan