Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 19:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Ya re botlhe ba bona, ba ngongorega ba re: “O gorogetse kwa monneng wa moleofi go tlhola teng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ka botle ba bona yalo, ba ñoñorega, ba re, O ile go tlola le monona oa moleohi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ya re batho ba bona jalo, ba ngongorega botlhe ba re: “O ile go tlhola kwa goo rra monna yo e leng moleofi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 19:7
11 Iomraidhean Croise  

“Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.


jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima.


Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”


mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone!


Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo.


Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”


Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo.


Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’


E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan