Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Le gona a bua ka setshwantsho se le bangwe ba ba iikanyang gore ba siame, mme ba nyatsa ba bangwe, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi a bua secuanco se go bañue ba ba ikanyañ ha e le bona basiami, mi ba nyatsa ba bañue:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Setshwantsho ke se, a se bua le bangwe ba ba ikayang fa e le bone basiami, ba nyatsa ba bangwe botlhe, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:9
22 Iomraidhean Croise  

Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?”


mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone!


Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo.


Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,


Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.


E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”


Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?”


Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe.


Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.


Mme Modimo o ne wa nthaya wa re, ‘Tswa mo Jerusalema, gonne ke tlaa go roma kgakala kwa go Badichaba!’ ”


Gonne ga ba tlhaloganye gore Keresete o swetse go ba siamisa mo Modimong. Mo boemong jwa go tlhaloganya ba leka go itira tshiamo go gapa maikutlo a Modimo ka go tshegetsa melao ya Sejuta le ngwao, mme moo ga se tsela ya Modimo ya poloko.


Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo.


Ba ba bonang go ba siametse go ja nama e e ntseng jalo, ba seka ba nyatsa ba ba sa e jeng. Mme fa o le mongwe wa ba ba sa e jeng, se tshwaye phoso ba ba e jang. Gonne Modimo o ba amogetse go nna bana ba one.


Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan