Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 A Modimo ona ga o nke o atlholela baitlhaolelwi ba ona ba ba o tlhaeletsang bosigo le motshegare, gongwe a o ka ba diegela?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi Morimo a ga o kitla o atlolela baitseñkeroi ba ona, ba ba o bitsañ tsatsi le bosigo, leha o na le pelu telele go bona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Mme Modimo one, a ga o ketla o sekela ba e leng baitshenkedwi ba one, ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo, mme o bile o pelotelele ka ga bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:7
31 Iomraidhean Croise  

“Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.”


Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe.


Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?


“Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”


Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.”


Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao.


E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.


Gonne bosigo le motshegare re tswelela ka go lo rapelela, re kopa Modimo gore o re kopanye le lona gape, go kaba diphatlha dingwe tse dinnye tse di ka neng di santse di le mo tumelong ya lona.


fa gape a baakanyetsa ba ba lo utlwisang botlhoko katlholo le kwatlhao.


Phuthego e tshwanetse go tlhokomela batlholagadi ba ba humanegileng ba bile ba le bosi mo lefatsheng, fa ba lebeletse thuso mo Modimong, ba bile ba senya nako e ntsi mo thapelong;


Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa.


Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, motlhanka wa Modimo le morongwa wa ga Jesu Keresete.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania.


Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya.


Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse.


Ba goela kwa Moreneng ba re, “Morena yo mogolo, yo o boitshepo le boammaaruri, go tlaa nna goleele go le kae pele ga o atlhola batho ba lefatshe kaga se ba se re diretseng? O tlaa busolosetsa leng madi a rona mo go ba ba tshelang mo lefatsheng?”


Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan