Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16-17 Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 Mme Jesu a ipiletsa bana, a raya barutwa a re: “Lesang bana ba tle go nna, lo se ka lwa ba iletsa; gonne puso ya Modimo ke ya ba ba ntseng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi Yesu a ba biletsa go ena, a re, Lesañ banyana ba tle go ’na, mi lo si ba itse; gone ba bantseñ yalo, e le ba bogosi yoa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme Jesu a ba bitsa gore ba ye kwa go ene, a re: “Lesang banyana, ba tle mo go nna; lo se ka lwa ba itsa; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:16
14 Iomraidhean Croise  

Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”


Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya.


Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!”


Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o.


Gonne gongwe monna yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya mosadi wa gagwe wa Mokeresete. Le mosadi yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya monna wa gagwe yo e leng Mokeresete. Ntle go moo fa lolwapa lo kgaogana, go ka diragala gore bana ba se ka ba tlhola ba itse Morena; fa lolwapa lo lo kopaneng lo ka itse Morena, mo leanong la Modimo go ka felela mo polokong ya bana.


Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan