Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 “Mofarisai a ema, a ithapelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka ke sa tshwane le batho ba bangwe, e bong dinokwane le basiamolodi le bagokafadi, gongwe jaaka mokgethisi yo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mofarisai a ema a rapela yalo ka esi, Morimo, kia gu itumelela, gone ki sa cuane yaka bathu ba bañue; linokuane, basiamolori, bagokahari, khotsa yaka mophuthi eo oa lekhetho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 “Mofarisai a ema a ithapelelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka gobo ke sa nna jaaka batho ba bangwe, ba le baikgagapeledi, le basiamolodi le ba boaka, kgotsa jaaka mokgethisi yo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:11
26 Iomraidhean Croise  

Filipo, Baretholomica, Thomase, Mathaio wa mokgethisi, Jakobe morwa Alefaio, Thadaeo,


“Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda.


“Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye.


Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona.”


Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.”


Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.”


Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.”


Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong.


“O ithaya o re, ‘Ke humile, ka sengwe le sengwe se ke se batlang; ga ke tlhoke sepe!’ Mme ga o lemoge gore mo semoweng o latlhegile, o tlhomola pelo, o mohumanegi, o sefofu ebile ga o a ikatega.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan