Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi Morena a re, Ekare ha lo na le tumelo e kana ka tlaka ea peu ea mosetara, lo kabo lo raea setlare se sa mosekamino, Khumoga ka mecue, mi u tloñoe mo leoatleñ, mi se tla lo utlua.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Morena a re: “Fa lo ne lo na le tumelo, e le kana ka tlhaka ya peo ya mosetara, lo ne lo ka raya setlhare se sa mosekamine lwa re: ‘Khumoga ka medi, o ye go tlhongwa mo lewatleng;’ se ne se tlaa lo utlwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:6
13 Iomraidhean Croise  

Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu.


Mme Jesu a ba raya a re, “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne fa lo no lo na le tumelo le fa e le e nnyennyane jaaka peo e tshesane ya mosetara lo no lo ka raya thaba e lwa re ‘Suta!’ mme e ne e tlaa sutela kgakala. Ga go na se se neng se ka retela.


Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala.


Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.”


Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.”


Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone.


Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira.


Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.


E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”


a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”


Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan