Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2-3 Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Go ka nna botoka mo go ene, fa lolwala lo ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a digelwa mo lewatleng, bogolo go gore a kgopise mongwe wa ba babotlana ba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Go kabo gole molemo go ena ha tlapa ya tsilo le golegecoe mo thamuñ ea gague, mi a rigecoe mo leoatleñ, bogolu go khopisa moñue oa ba botlana ba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Go ka bo go le molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo ka bo lo gokeletswe mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng, bogolo go fa a ka bo a kgopisa mongwe wa ba babotlana ba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:2
13 Iomraidhean Croise  

“Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe.


Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele.


Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa.”


Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng.


Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.”


Le fa go ntse jalo ga ke ise ke ke ke lo kope le fa ele ledi le le lengwe. Mme ga ke kwale se go lo tlhagisa gore ke batla go simolola, legale, ke ka mpa ka swa ke bolawa ke tlala go na le go latlhegelwa ke boitumelo jo ke bo bonang mo go lo rereleng kwa ntle ga tuelo.


Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan