Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Dikgopiso ga di ka ke tsa thibelwa go tla; mme go latlhega yo di tlang ka ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI a raea barutoa, Ga go kake ga na yalo likhopisho li si tle; mi go latlega eo li tlañ ka ena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A raya barutwa ba gagwe a re: “Go retetse gore dikgopiso di se ka tsa tla; mme go latlhega ene yo di tlang ka ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:1
14 Iomraidhean Croise  

Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”


“A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya masula otlhe a jone. Gonne thaelo e na le go tla fela, mme a bo go latlhega motho yo thaelo e tlang ka ene.


“Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”


Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama.


Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng.


Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete.


Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa!


Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.


Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane.


“Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa.


“Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan