Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Gape ke lo raya ke re: “Itireleng ditsala ka Mamone wa tshiamololo gore e tle e re a fela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi kia lo raea, Itiheleñ litsala tsa mamone eo o sa siamañ; gore mogañ lo tlokañ ka ona, ba lo culele mo maagoñ a a sa khutleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:9
28 Iomraidhean Croise  

Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”


“Se boloke dikhumo tsa gago fano mo lefatshing mo di ka senyegang kgotsa tsa utswiwa.


“Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.


Bophepa bo supa bopelontle.


Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.


Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”


Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo?


“Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!”


Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’


Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo!


Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye.


Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha!


Lo nne mo kagelelong ya lorato lwa Modimo gore o kgone go lo segofatsa. Lo letele ka pelotelele botshelo jo bosakhutleng jo Morena wa rona Jesu Keresete o tlaa lo bo nayang ka kutlwelo botlhoko ya gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan