Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 “Morena a boka mookamedi wa tshiamololo, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno mo losikeng lwa bone ba tlhalefile go gaisa bana ba lesedi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi morena a baka motlameri‐ntlu eo o sa siamañ, gone a rihile ka botlale, gone bana ba hatsi yenu ba botlale bogolu mo baneñ ba leseri mo sikeñ loa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 “Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:8
23 Iomraidhean Croise  

Mme Petere a fetola a re, “Mo go batswakwa.” Jalo he, Jesu a re, “Go siame.” “Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!”


Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo.


Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’


“Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’


Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo,


Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala.


Dirisang Lesedi nako e sa le teng; ka go dira jalo lo tlaa nna batsamaisi ba lesedi.” Morago ga a bua dilo tse, Jesu a tsamaya mme a ba iphitlhetse.


Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo.


Gonne le fa dipelo tsa lona di kile tsa ne di tletse lefifi, jaanong di tletse lesedi le le tswang kwa Moreneng, mme maitseo a lona a tshwanetse go le supa.


Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno.


Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo.


Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.


Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan