Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 “Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Mookamedi a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang, ka e le fa morena wa me a tlosa bookamedi mo go nna? Ga ke itse go otola, mme go kopa go ntlhabisa ditlhong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi motlameri‐ntlu a ithaea, Ki tla rihañ, ka morena oa me a tlosa tiho ea tlamelo go ’na? ga ’nkake ka lema, mi ki tlayoa ki litloñ go kopa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Molebedi a ithaya a re: ‘Ke tlaa dirang, ka e le fa morena wa me a ntlosa mo tebalebelong? Ga nka ke ka lema; mme go kopa go ntlhabisa ditlhong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:3
26 Iomraidhean Croise  

“Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo.


Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.


Le fa go ntse jalo difalana tsa gagwe di ne di tletse mo go penologang, o ne a sa kake a kgona go tsenya sengwe le sengwe mo teng. Mme a akanya mathata a gagwe,


Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.


Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe.


Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa,


Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’


“Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’ ”


Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”


Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe.


Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.”


Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan