Luke 16:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro. Faic an caibideilSetswana 19702 A mmitsa, a mo raya a re: ‘Ke eng se ke se utlwang ka ga gago? Ikarabele ka ga bookamedi jwa gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna mookamedi.’ Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Mi a mitsa, a mo raea, Eñ se ki se utluañ ga gago? naea palo ea tlamelo ea gago, gone u si kitla u tlola u na motlameri‐ntlu. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 Mme a mmitsa, a mo raya a re: ‘Eng se ke se utlwang ka ga gago? Bolela ka thulaganyo ka ga tebalebelo ya gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna molebedi.’ Faic an caibideil |
Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.
Jalo itlhokomeleng gore lo se ka lwa atlhola pele ga Morena gore a mongwe ke motlhanka yo o molemo kgotsa nnyaa. Fa Morena a tla, o tlaa ntsha lesedi gore mongwe le mongwe a tle a bone sentle gore mongwe le mongwe wa rona o ntse jang, mo teng ga dipelo tsa rona. Ke gone mongwe le mongwe o tlaa itseng gore ke eng fa re ne re dira tiro ya Morena. Ka lobaka loo Modimo o tlaa naya mongwe le mongwe tlotlego nngwe le nngwe e e tlang mo go ene.
Gonne re tshwanetse rotlhe go ema fa pele ga ga Keresete go atlholwa le matshelo a rona go bewa mo pepeneneng fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela sengwe le sengwe se se mo tshwanetseng sa dilo tse di molemo kgotsa tse di maswe tse o di dirileng mo mmeleng wa gagwe wa selefatshe.