Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 “Molao le baporofeti ba felela ka Johane; go tloga foo go rerwa Efangele ya puso ya Modimo, mme mongwe le mongwe o itshukunyetsa mo go yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Molao le baperofeti ba le ba leo le go Yohane; e sale ka motla ouo bogosi yoa Morimo bo reroa, mi moñue le moñue oa icukanyetsa go yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 “Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:16
21 Iomraidhean Croise  

Tsamayang lo anamise mo go bone gore Bogosi jwa legodimo bo atametse.


ga lo itshekololwe ke go ja dijo tse di idiwang ka molao wa Sejuda! Ke se lo se buang lo bile lo se akanya se se lo leswafatsang.”


Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela.


“Sokologang mo dibeng tsa lona, boelang mo Modimong, gonne Bogosi jwa Legodimo bo atametse.”


Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.”


Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.


Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.


‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’


“Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’.


“Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”


Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.


Nathaniele a hakgamala a re.


Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”


Mme Bafarasai ba raana ba re, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!”


gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.


“Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan