Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 “Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 ¶ Ga go motlañka ope eo o ka rihelañ barena ba tu; gone o tla ila eo moñue, khotsa a rate eo moñue; khotsa o tla ñaparela eo moñue mi a nyatse eo moñue. Ga lo kake loa rihela Morimo le mamone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:13
12 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ ”


“Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.


“Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa.


“Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.


Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona.


Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?


Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”


Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan